Ke tsetswe kwa motseng wa Phokeng ko porofenseng ya Bokone Bophirima. Ke simolotse dithuto tsa me kwa sekolong se se potlana sa Motsatsi kwa motsaneng wa Tlokweng. Ke ne ka boela kwa Phokeng koo ke neng ka tsweletsa dithuto ko sekolong se se potlana sa Lefaragatlha. Ke ne ka tswelela ka dithuto tse di magareng kwa dikolong tsa Keledi, Thekwana, le Mashobana. Ke tsenetse thuto e kgolwane kwa sekolong sa HF Tlou. Morago ga go fetsa lekwalo la materiki ke ne ka ithutela Borutabana kwa yunibesithing ya Bokone Bophirima.
Smashwords Interview
Where did you grow up, and how did this influence your writing?
I grew up in Tlhabane, Rustenburg, a lively township full of drama that prompted me to start writing.
Tshepo ke ngwana yo o tsebe. Le fa a iphitlhela a le mo khumanegong e kgolo, o rata sekolo thata. Ke setswerere mo merarong ya botaki. Letsatsi lengwe le lengwe o rekisa ditamati morago ga sekolo. Botswerere ba gagwe bo tlisa kgatlhego e kgolo mo go Kgotlho yo eleng serukutlhi se segolo mo motseng. Kgotlho o mo gogela ka go reka ditamati tsa gagwe tsotlhe.