Wonder Ntene o tsetswe ka 03 Motsheganong 1982. O ne a nna kwa Shivhambo, lefelo le ga jaana le bidiwang Odinburg. Wonder ke ngwana wa bobedi go bana ba le bane ba ga Pauline le Klaas Ntene, basimane ba le bararo le kgaitsadiabona a le mongwe.
O simolotse sekolo kwa Poraemari ya Phutha kwa Klipgat ka ngwaga wa 1990-1991. Wonder o ne a tswelela kwa Poraemaring ya Kgabalatsane go tlhogo ka 1992-1995. Morago ga Poraemari o ne a tswela pele ka dithuto sekolong-gare sa Meriting ka ngwaga wa 1996-1998 gona kwa Kgabalatsane. O ne a ye sekolong segolo sa Micha-Kgasi kwa Kgabalatsane, go tloga ka 1999-2001. Ka ngwaga wa 2002-2005, o ne a ithutela Diploma ya Labour Relations kwa Pretoria Tech jaaka e ne e bidiwa peleng, e ka ga jaana e bidiwang Tshwane University of Technology.
Ka ntlha ya go tlhoka tiro, o ne a simolola Iron Clad Productions kgwebo ya go dira le go gatisa mmino le tsala ya gagwe ka ngwaga wa 2009. Iron Clad Productions e ne ya fetolelwa go Iron Clad Ink. O rata go thusa le go abela baŝwa kitso e a nang nayo le go thusa ka mo a ka kgonang kwa motseng wa Kgabalatsane.
Go kile ga bo go le monna mongwe a bidiwa Tsamaya Kgang. Ngwana batho o ne a ikela ka maaka, fela jaaka leina lebe le kaya. Tsamaya o ne a kopana le tsona di fuduga kwa Mona-O-Nwe ka letsatsi la go kgaola ngwaga la 31 Sedimonthole 2016. O ne a bona kgarebe nngwe ya moriri o mosweu jaaka semathane e tswela kwa ntle, a e gata motlhala mme ya nna gona mathata a mo aparetse.